Maeteledipele
Boswa jwa naga ke karolo eo ya maitshetlego gongwe tikologo eo e bopang pharologantsho ga yona. Go amana ditiragalo tse di fetileng (hisetori) tsa naga le mokgwa o e tlotlwang ke baagi ba yona, setso sa yona, botsweretshi jwa yona, thutotiro / thuto ya boitseanape / thuto ya diatla le diteme tsa yona, dijo tse baagi ba yona ba di ratang, mmino o ba o tlhamang le mokgwa o dikago tsa yona di tlhangwang le go agwa.
Mo Aferika Borwa motswako o o humileng wa dipopego tse di farologaneng tsa boswa di dira gore baagi ba rona ba bo ba le mofuta wa bona ba le bosi mo lefatsheng. Boswa jwa rona bo re farologantsha go tswa mo ditshabeng tse dingwe mme go re letla go re tlhagelele ka marota jaaka setshaba sa mofuta wa sona se le sosi se se ikgantshang ka ditso tse di farologaneng.
Ga go gope mo itlhaolong e ya setshaba go akareditsweng le go tlhagiswa ka botlalo go feta mo matshwaong a setshaba a bukana e e leng ka ga ona - Folaga ya Setshaba, Sefela sa Setshaba le Sekano sa Setshaba.
Ngwana , mogolo, sekolo, polokelo - dibuka (laeborari), modiri, mothapi, mokgatlho o e seng wa puso, CBD le Lefapha - puso la Aferika Borwa ka moo ba ka kgona go itse, go tlhaloganya le go nna le bukana e le diteng tsa yona ka boipelo.
Matshwao a Setshaba sa rona ke afe
Matshwao a setshaba sa rona ke matshwao a semmuso a a bopang tshwantshokgopolo le go thusa go re tlhaola jaaka naga e e ikemetseng. Matshwao a setshaba a tlhaloswa go ya ka Molaotheo mme a ikaeletse go tsweletsa poelano le kago ya setshaba. Mo molaotheong go bolelwa gore Rephaboliki ya Aferika Borwa ke naga e e ipusang ka mmuso o o ikgethetsweng ke batho (temokerasi) e e theilweng mo godimo ga dikaelabotho tse di latelang:
Seriti (botho), phitlhelelo ya tekatekano le tlhatloso (tsweletso) ya ditshwanelo tsa botho le dikgolosego
Go se kgetholole ka botso le bong
Bogolo jwa molaotheo le taolo (taolwana) ya molao
Tshiamelo ya go bouta ya bagolo botlhe, Lenaneina la babouti (batlhophi) le le tshwanang la bosetshaba, kgetho ka gale, thulaganyo ya puso ya temokerasi ya makokokoko go tlhomamisa boikarabelo, tsibogelo le boikanyego.
Dikaelabotho tse, di thadisitswe (tlhagisitswe) mo:
Sefela (Pina) ya Setshaba e re e utlwang e opelwa mo mererong ya semmuso gape re e opela kwa sekolong le mo ditiragalong tsa metshameko
Folaga e ntshwa ya Rephaboliki ya Aferika Borwa e tsentswe mo tirisong ka la 27 Mopitlwe 1994. E ne ya pegwa fela fa morago ga bosigogare ka go tsalwa ga setshaba se seswa. Moakanyetso le mebala ya folaga ke thadiso ya mebala megolo ya hisetori ya folaga ya Aferika Borwa go tloga metlheng ya pele go fitlha ga jaana.
Mmala o o bihibidu jo bo mokgona [bo tseneletseng] (bihibidu / serolwana), bosweu le botala jwa loapi e re gopotsa morago ga metlheng ya pele ya hisetori ya folaga ya Aferika Borwa; fa botala jwa ditlhare, bontsho le serolwana di tlhageletse lantlha mo folageng ya rona ya setshaba ka ngwaga-kgolong wa 19. Mebala e merataro e tlhageletse ka maatla mo folageng ya Aferika Borwa ya jaana.
Go ya ka bokao mabapi le se mebala e se kayang, go tshwanetswe ga gakologelwa gore mmala ka nosi o ka nna le bokao jo bo farologaneng thata go ya ka batho ba ba farologaneng. Ka lebaka leo go se amantshwe (tshwaraganngwe) bokao bope le ope wa mebala e. Mongwe le mongwe a lokologe go nna le bokao jwa gagwe ka se mebala e se emetseng. Se ke se go neng ga swetswa ka sona fa go no go rerisanwa ka thulaganyo ya temokerasi ka 1994.
Moakanyetso wa folaga o o simololang jaaka "V" mme o kopana mo bogareng jwa folaga, o lelefalela pele jaaka mothalo-esi o o tlhamaletseng go ya go losi lo lo kwa ntle lwa folaga, o ka bonwa jaaka e kete o emela kopano ya merafe e e farologaneng mo setshabeng sa Aferika Borwa e go tloga foo e tsweletsang tsela go ya pele jaaka setlhopha. Kakanyo e gape e gokaganya le moano wa sekano se seswa sa setshaba, e leng !ke e: / xarra // ke, mo puong ya / Batho ba Xam San, e e kayang gore "batho ba mefutafuta ba a kopana". Moakanyetso o ke wa mofuta wa ona o le esi gareng ga difolaga tsa lefatshe.
Molaotheo o tlhalosa folaga ya setshaba jaana:
Folaga ya setshaba e tla nna khutlonnetsepa ka kabelo ya pedi bophara go tharo boleele, ba lesela go tswa go setsholetsa - folaga. Banta e e bohibidu jo bo mokgona e e kwa godimo le banta e botala jwa loapi e e kwa tlase, ka khutlotharo e ntsho kwa setsholetsa - folageng; mo godimo ga meralo ya dikarolwana go lesela la botala jwa tlhaga jo bo leng nngwe - tharong ya bophara jwa folaga, bosweu bo dirang molelwane gareng ga bohibidu jo bo mokgona le botala jwa loapi mme mmala o o serolwana o ikaegile khutlotharo e ntsho kwa setsholetsing; mme bophara jwa lesela le molelwane wa lona ke nngwe - tharong ya bophara jwa folaga".
Go na le ditaolo tse di botlhokwa di se kae tse di tshwanetsweng go kgomarelwa:
Folaga e tshwanetswa go tsholwa ka tlotlo. Ga e a tshwanela go letlwa go gogwa mo mmung kgotsa go ngaparetsa sengwe mo godimo ga yona.
Folaga e balwa jaaka buka - go tswa kwa godimo go ya kwa tlase le go tswa molemeng go ya mojeng. Ka mo e tshwanetswe go pegwa ka mokgwa o o siameng.
Fa e bontshiwa e rapame, setsholetsi se tshwanetse go nna ka fa letsogong la molema mmogedi mme mmala o mohibidu o le kwa godimo. Fa folaga e kanamisitswe, ke sesupo sa gore naga e mo khutsafalong.
Fa e bontshitswe e tsepame e ikaegile ka lebota, mmala o mohibidu o tshwanetse go nna ka fa letsogong la molema la mmogedi mme setsholetsi se le kwa godimo.
Fa e bontshiwa gaufi kgotsa fa morago ga sebui, e tshwanetse go bewa ka fa letsogong le le jang la sebui.
Fa folaga ya setshaba e bontshiwa le difolaga tse dingwe, e tshwanetse go:
Tsholetswa pele le go foloswa morago (la bofelo)
E nne ka fa letsogong la molema la mmogedi fa e bontshitswe mo dithobane di kgabaganyana mme thobane ya yona e tshwanetse go nna fa pele ga thobane ya folaga e nngwe
Fa go gwantwa ka tshwanelo mo mokolokong le difolaga tse dingwe.
Le go nna ka fa mojeng ga kago fa e pegilwe difolaga tsa setshaba sa dinaga tse dingwe.
Hisetori
Nkosi Sikelel iAfrika e tlhamilwe ka 1897 ke Enoch Sontonga, morutabana wa sekolo sa Methodist. Mafoko a temana ya ntlha, a ne a kwetswe ka puo ya Sethosa jaaka sefela sa kereke. Morago ditemana tse supa tsa puo ya Sethosa di ne tsa tlaleletswa ke mmoki, Samuel Mqhayi. Phetolelo ya Sesotho e ne ya phatlalatswa ke Moses Mphahlele ka 1942. Nkosi Sikelel iAfrika e ne ya tumiswa kwa dikhonserateng tse di neng di tshwarwa mo Gauteng ke khwaere ya Mazulu e e neng e bidiwa Ohlange ya Moruti J L Dube. E ne ya nna sefela sa bodumedi se se itsegeng thata mme morago ya tsawa jaaka pina ya setshaba mo dikopanong tsa sepolotiki. E ne e opelwa go bontsha ngongorego metlheng ya dingwaga tsa kgatelelo. Temana ya ntlha e opelwa ka Sethosa kgotsa Sezulu mme e latelwa ke phetolelo ya Sesotho. Go fitlhelela e tlhaloswa ke mmuso go go le diphetolo di le dintsi tsa Nkosi Sikelel iAfrika, tse di ka opelwang boemong jwa ditiro tsa bodumedi mme go sa tsennye Die Stem. Mebuso e meng ya Aferika le yona e ne ya tsaya diphetolo tsa Nkosi Sikele iAfrika jaaka dipina tsa bona tsa setshaba. Le fa go ntse jalo, maAferika Borwa a kopana go opela pina ya bona ya setshaba ba tshwanetse go opela phetolo e e tletseng ya semmuso, le gona yona fela.
Stem van Suid - Afrika" ke poko e e kwadilweng ke CJ Langehoven ka Motsheganong 1918. Mmino o ne wa tlhamiwa ke Moruti ML de Villiers ka 1921. Koporasi ya Kgaso ya Aferika Borwa (SABC) e ne e tshameka God Save The King le Die Stem mmogo go tswalela dikgaso tsa bona tsa letsatsi mme setshaba se ne sa tlwaela lenaneo le. E ne ya phatlalatswa mme ya opelwa lwa ntlha semmuso fa folaga e kgologolo ya setshaba e ne e tsholetswa kwa teropong ya Kapa ka 31 Motsheganong 1928, fela go ne ga tsaya go fitlhelela 2 Motsheganong 1957 gore fa Mmuso o ne o itsise gore Die Stem e dumeletswe jaaka Pina ya setshaba ya Aferika Borwa ya semmuso. Ka ona ngwaga oo, Mmuso o ne wa bona ditshwanelo tse di feleletseng mme se se ne sa gatelelwa ke Molao wa Mmuso ka 1959. Ka 1952 phetolo ya semmuso ya Sekgoa ya Pina ya setshana, The Call of South Africa e ne ya amogelwa go dirisiwa semmuso.
Karolo ya Sekano sa Setshaba
Sekano sa Setshaba kgotsa letshwao la Mmuso, ke letshwao le le bonwang lwa Puso le le kwa godimo. Tsaya motsotswana go gopola dintlha tse di botlhokwa mo botshelong jwa gago - matsalo, lenyalo, loso lesetifikheiti sa sekolo, lokwalo lwa mosepele - tsotlhe di editswe semmuso ke Sekano sa Setshaba. Papetlana ya gago e nnye e na le sona (Sekano sa Setshaba) mo ngweng ya matlhakore. Fa o le kwa ntle ga naga, pono ya letshwao le, mo moagong wa kemelo (embassy) ya naga, se se go bolelela gore o fa gae kgakala le legae. Sekano sa Setshaba gape ke karolo e e botlhokwa ya Bonota jo bo kanelang jo Bogolo, jo goyang ka setso jo tsewang jaaka letshwao lo logolo la Puso. Thata e e feletseng e fiwa lekwalo lengwe le lengwe le le nang le letshwao lwa Bonota jo Bogolo (Great Seal) jaaka se, se kaya gore le tshegetswa ke Moperesidente wa Aferika Borwa.
Sekano sa Setshaba se seswa, se refosa se se neng se dirisiwa ke Aferika Borwa go tlogeng 17 Lwetse 1910. Phetolo e bontsha maikemisetso a Mmuso a go bontsha phetogo ya demokerasi mo Aferika Borwa le tlhaloganyo e ntshwa ya bosetshaba.
Letshwao le leswa la Sekano sa Setshaba
Sekano sa Setshaba ke tlhatlhamano ya dielemente tse di rulagantswe ka tlhatlaganyo kgotsa ka popego e tshekeletsana e ngwe e beilwe fa godimi ga e ngwe.
Moano - mo tshekeletseng e e sa felelang ke: !ke e: /xarra // ke, o kwadilwe ka loleme lwa batho ba /xam ba Khoisan mme mo phetolong moano o o fa godimo o raya gore: "batho ba ba phatlhaletseng kopanang". Moano o o ipiletsa gore Setshaba se kopane ka ditlhalogano tse di edileng le boikgantsho - Seoposengwe mo Phatlhalelong. Dinaka a tlou - a emetse botlhale, maatla, tokafatso le bo sa feleng.
Ditsebe tsa korong - mo popegong e re e bonang di dirwa ke dinaka - di emetse monono, kgolo le bokgni phepo ya batho le dintlha tsa temo tsa lefatshe.
Thebe - popego ya thebe ya gouta e tshwana le moropa. E na le ditiro tse pedi: e emetse tlhaolo le phemelo ya semoa semowa.
Ditebego tsa botho go tswa mo Botaking ba Khoisan - di ntshitwe mo ditshwantshong mo letlapeng le le itsegeng la Linton - sekao se se botlhokwa sa Botaki ba Letlapa la Aferika Borwa le le mo Musiamong wa Aferika Borwa gona jaanong - le le bontshiwang mo boitshwarong jwa go dumedisa le kopano, di emetse: Seoposengwe mo Phatlhalelong. Lerumo le thobane - matshwao a mabedi a phemelo le bolaodi - di emetse maoto a a thata a ramolangwana. Lerumo le thobane di robetse fa fatshe, e le go emela kagiso.
Sethunya sa Protea - ke setshwantsho sa bontle jwa lefatshe la rona le go thunya ga bokgoni jwa rona jaaka Setshaba se se batlang Tsosolotso ya Botaki le Dikwalwa tsa seAferika. (African Renaissance) - di emetse kopano ya mephato le e golang go tswa mo lefatsheng mme e nosetswa go tswa godimo.
Ramolangwana - o bontshitsweng a fofa - pheleletso ya tlholego ya kgolo le lobelo. Ke nonyane e e thatathata e maoto a yona - a bontshitsweng ka lerumo le thobane - di (lerumo le thobane) di emetse sentle mo go tsomeng gape le mo phemelong.
Letsatsi le le tlhabang - ke letshwao la kgalalelo le phatsimo. Le emetse tshepiso ya go tsalwa seswa, matlhagatlhaga a tsabakelo, katlholo e e siameng le matla. Ke letshwao la motswedi wa botshelo, ba lesedi le bofelo jwa boitekanelo ba losika lwa setho.
Popego e e feleletseng ya Sekano sa Bosetshaba e kopana tshekeletsa e e fa godimo le e e fa tlase mo letshwaong le le se nang bolekanyo. Tsela e e kopanyang losi lwa bofelo lwa sekorolo sa lewatlanaleso go ya ka mela ya dinaka, ka khutlopono fa godimo ga letsatsi le tlhatloga kwa godimo, le bopa popego ya lee moo ramolangwana a tsogang. Se se emetse go tsalwa seswa ga mowa o mogolo wa bogaka ba Bosetshaba ba rona.
Phetso
Matshwao a dirisitswe jaaka tsela e e tokafaditsweng ya ga tlhatlhelela maAferika Borwa (go ya ka temokerasi) segolo bogolo bao ba ba ntseng nako e telele ba tlhotlhololwa mo go tseyeng dikakanyo tsa go tsamaisa lefatshe la rona la Aferika Borwa. Matshwao a makoko a poletiki a ne a dirisiwa ka ditlhopho tsa ngwaga wa 1994 e le go itshupa ka bonolo mo pampiring ya ditlhopho.
Matshwao a magolo a mararo a setshaba a go buiwang ka ona mo bukaneng e, a emetse temokerasi e ntshwa ebile a refosa matshwao a a fetileng a a tshwanang le a. Mosola o botlhokwa o o gatelelwang ke matshwao a maswa a ke poelano, kopano mo go phatlhalaleng ga batho le go bopa setshaba. Ka matshwao a moAferika Borwa mongwe le mongwe o kgothatswa, gogelwa, matlafatswa le go rotloetswa go tsaya karolo mo go tseyeng setshaba se go tswa mo go kgaoganyeng mo go fetileng go ya isagong e e kopanyeng.
